Main Article Content

Nyalano ya matseno le bokhutlo jwa khutshwe <i>Magana go utlwa</i> jaaka dithapo tsa leselo


Richard Lepheti Moloele

Abstract

Khutshwe ke mofutakwalwa o o seng bonolo go kwalwa. Bakwalakhutshwe ba le bantsi ba a atlafa fa ba leka go o kwala. Ditlhangwa tse dintsi tsa dikhutshwe di kwadilwe ka mokgwa o o sa useng pelo. Bothata jwa tsona go le gantsi ke gore, bakwadi ba tsona, ba paletswe ke go tlhagisa malepa a a maleba gore e nne ditlhangwa tsa moswa-o-eme. Khutshwe e e tseetsweng matsapa ya bo ya ritelwa sentle ka lonala ke eo e nang le matseno a a gogelang mmuisi mme bokhutlo jwa yona e nne sephiri mo babuising go fitlha ba goroga kwa bofelong jwa yona. Bokhutlo bo tshwanetse go tshoganyetsa mmuisi, e se nne boo mmuisi a neng a bo solofetse mme bo nne matshwanedi, bo kgodise. Seno, e nna sebetsasegolo sa mokwalakhutshwe. Patlisiso e, e lebile ka leitlho le le ntšhotšho khutshwe ya ga JE Setshedi: Magana go utlwa go tlhola fa e le gore e kwalegile fa motho a leba matseno le bokhutlo jwa yona. Go tlaa lebiwa gape tekolo e e tseneletseng ya ditshekatsheko go tsenya pampiri mooko mo marapong. Go lemogilwe gore khutshwe e e mo isong e, e kwalegile gonne mokwadi wa yona o kgonne go tlhagisa matseno a a gogelang a bo a patika sephinya ka go sa ntshe sephiri sa ka moo khutshwe e tlaa khutlisiwang ka gona. Babuisi ba neelwa tšhono ya go inaganela gore bontsi jwa mekhino e e etileng e tlogelwa ke mokwadi e tlaa kabiwa jang. Go dirisitswe melebo ya bolebakagego le ya go tlhalosa mo patlisisong e.


Journal Identifiers


eISSN: 2305-1159
print ISSN: 0257-2117