Main Article Content

Kagego ya padi ya Phitlhelelo kwa setlhoeng ya ga J Malao Construction of the novel Phitlhelelo kwa setlhoeng by J Malao


Abstract

Padi le kgankhutshwedi batlile go bopega ka mokgwa o o tshwanang. Kgankhutshwe e ngangegile thata go gaisa padi. Seno se dirwa ke gore mopadi o na le nako ya go tlhalosa ditiragalo ka tsenelelo, mme ga a gapelediwe ke sepe go ngotla tiriso ya mafoko, mme mokwadi wa kgankhutshwe ena, o eta a nna bofitlha. Patlisiso e, e leba ka moo padi Phitlhelelo kwa Setlhoeng e agilweng le ka moo e tsamaelanang le diponagalo tse di farologaneng tsa padi ka gona. Ditiragalo le diponagalo di tla tlhalosiwa go lebilwe ka moo ditiragalo di phuthologang ka gona. Sa botlhokwa ke go tlhola gore a padi e, e kgotsofatsa ditlhokego tsa go nna padi e e kwalegileng sentle, e e tseetsweng matsapa. Mokgwapatlisiso o o dirisitsweng mo patlisisong e, ke wa naratholoji. Padi e, ga e a tlala thata go nna padi, bogolo e ka nna patsana gonne ditsejwana tsa yona di mokawana. Se sengwe ke gore mokwadi o kgonne go ntsha bokgoni jwa
gagwe gonne patsana e, e na le diponagalo tsotlhe tse di agang padi.


A novel and a short story are nearly written in the same way. A short story is shorter than a novel. This is because a short story writer does not have ample time to describe events lengthily. He dwells much on giving an account of how events happened without having to explain each and every event. This article attempts to showcase how this novellete has been written and checks whether it qualifies to be a novel or a novelette. The findings are that the novel has been written well and that the language usage is satisfactory as the author utilised the idiomatic expressions and other parts of speech to enrich the language.


Journal Identifiers


eISSN: 2305-1159
print ISSN: 0257-2117